Luke 17

Sebe le tumelo le go itshwarelana

1Mme ya re ka letsatsi lengwe Jesu raya barutwa ba gagwe a re, “Go tlaa aga go le dithaelo tsa go leofa, mme a bo go latlhega motho yo o raelang. 2
This verse is empty because in this translation its contents have been moved to form part of verse Luke 17:3.
3
In this translation, this verse contains text which in some other translations appears in verses Luke 17:2-3.
Fa a ne a latlhetswe mo lewatleng ka lentswe le legolo le fapeletswe mo molaleng wa gagwe, o ne a ka bo a le botoka thata go na le go otlhaelwa go tlhokofatsa mewa ya ba bannye ba. Ke a lo tlhagisa! Kgalemela morwa-rrago fa a leofa mme o mo itshwarele fa a ipona molato.
4Le fa a go leofela ga supa ka letsatsi mme nako nngwe le nngwe a boela go wena a kopa maitshwarelo, mo itshwarele.”

5Ka letsatsi lengwe Baaposetoloi ba raya Morena ba re, “Re tlhoka tumelo e kgolo; re ka e bona jang?”

6Jesu a ba araba a re, “Fa tumelo ya lona e le selekanyo sa peo ya mosetara, e tlaa bo e le kgolo thata go kumula setlhare se se kwa sele sa mosikamine le go se tlhoma mo teng ga lewatle! Taolo ya lona e ne e ka diragala ka bofefo! 7
This verse is empty because in this translation its contents have been moved to form part of verse Luke 17:9.
8
This verse is empty because in this translation its contents have been moved to form part of verse Luke 17:9.
9
In this translation, this verse contains text which in some other translations appears in verses Luke 17:7-9.
Fa motlhanka a tswa go lema kgotsa a tswa go disa dinku, ga a nne fela fa fatshe a a ja, mme pele o baakanyetsa mong wa gagwe dijo tsa maitseboa pele ga a a ja tsa gagwe. Mme ga a lebogwe, gonne o dira se a tshwanetseng go se dira.
10Fela jalo, fa lo nkutlwa, ga lo a tshwanela go galalediwa. Gonne lo dirile tiro ya lona!”

Jesu o fodisa Balepero ba le some

11E rile ba ntse ba tsweletse mo loetong lwa go ya Jerusalema, ba tsena fa molelwaneng o o fa gare ga Galalea le Samarea, 12mme ya re ba tsena mo motsaneng oo, baleperwa ba le some ba bo ba emetse kwa kgakajana, 13ba goa ba re, “Jesu, Morena, re utlwele botlhoko!”

14Mme a ba leba a re, “Tsamayang lo ye kwa moperesiting wa Sejuta lo mo supegetse gore lo fodisitswe!” Mme ya re ba tsamaya, boleperwa jwa bone jwa nyelela!

15Mme mongwe wa bone a boela kwa go Jesu a goa a re, “A go galalediwe Modimo, ke fodisitswe!” 16A wela fa fatshe fa pele ga dinao tsa ga Jesu, a lebile fa fatshe mo loroleng a lebogela se a se dirileng. Monna yo e ne e le Mosamarea yo o nyatsegileng.

17Mme Jesu a botsa a re, “A ga ke a fodisa banna ba le lesome? Ba ba ferang bongwe ba kae? 18A ke Modichaba yo fela yo o boileng go tla go galaletsa Modimo?”

19Mme Jesu a mo raya a re, “Ema o tsamaye tumelo ya gago e go fodisitse.”

Go tla ga bogosi jwa Modimo

20Mme ya re ka letsatsi lengwe Bafarasai ba botsa Jesu ba re, “Bogosi jwa Modimo bo tlaa simologa leng? Jesu a ba fetola a re, Bogosi jwa Modimo ga bo tle ka ditshupo tse di bonalang. 21Ga lo ka ke lwa kgona gore lo re, ‘Bo simologile fano mo lefelong le kgotsa kwa ntlheng ele ya lefatshe’. Gonne Bogosi jwa Modimo bo mo go lona.”

22Mme morago a bua gape kaga selo se le barutwa ba gagwe. A ba raya a re, “Lobaka lo e tla lo lo tlaa ntlhoafalelang ka lone go nna le lona le fa e le letsatsi le le lengwe fela mme ke tlaa bo ke seyo fa.”

23“Dipolelo di tlaa tla mo go lona tsa gore ke boile le gore ke mo lefelong le kgotsa le; mme lo se ka lwa di dumela kgotsa lwa ya go mpatla. 24Gonne e tlaa re fa ke boa, lo tlaa itse kwa ntle ga pelaelo epe. Ke tlaa bo ke tshwana le logadima lo lo phatsimang go kgabaganya loapi. 25Mme pele ke tshwanetse go sotlega thata le go ganwa ke sechaba se sotlhe.

26“[E tlaa re fa ke boa] lefatshe le tlaa [tlhokomologa dilo tsa Modimo] jaaka batho ba lobaka lwa ga Noa. 27Ba ne ba a ja, ba a nwa, ba nyala, sengwe le sengwe se siame go fitlhelela letsatsi le Noa o neng a tsena mo tlung e e kokobalang ka lone mme morwalela wa tla wa senya botlhe.

28“Mme lefatshe le tlaa nna jaaka mo metlheng ya ga Lote: Batho ba ne ba dira ditiro tsa bone tsa letsatsi le letsatsi, ba a nwa ba a ja, ba reka ba rekisa, ba tlhoma ditlhare ba aga, 29go fitlhelela mo mosong o Lote o neng a tswa mo Sodoma. Hong molelo le sebabole tse di neng di tswa kwa legodimong tsa ba nyeletsa botlhe. 30Ee, go tlaa ‘bo go berekwa’ jaaka gale go fitlhelela lobaka lwa go boa ga me.

31“Ba ba tlaa bong ba se mo lwapeng ka letsatsi leo ba seka ba ya go phutha; ba ba mo nageng ba se ka ba boela kwa motsing. 32Gakologelwang se se neng sa diragalela mosadi wa ga Lote! 33Le fa e le mang yo o ngaparetseng botshelo jwa gagwe bo tlaa mo latlhegela mme le fa e le mang yo o latlhegelwang ke botshelo jwa gagwe o tlaa bo boloka. 34Mo bosigong joo banna ba le babedi ba tlaa bo ba robetse mo tlung e le nngwe mme mongwe o tlaa tsewa yo mongwe a tlogelwe. 35
This verse is empty because in this translation its contents have been moved to form part of verse Luke 17:36.
36
In this translation, this verse contains text which in some other translations appears in verses Luke 17:35-36.
Basadi ba le babedi ba tlaa bo ba dira botlhe mo tlung; yo mongwe o tlaa tsewa, yo mongwe o tlaa tlogelwa; mme go tlaa nna fela jalo mo banneng ba ba dirang ba bapile mo tshimong.”

37Mme barutwa ba botsa ba re, “Morena, ba tlaa bo ba isiwa kae?” Jesu a fetola a re, “Kwa setoto se leng gone, manong a phuthegela gone!”
Copyright information for TsnLEF